Download PDF
Back to stories list

Koko le Sebokolodi Chicken and Millipede

Written by Winny Asara

Illustrated by Magriet Brink

Translated by Domitilla Naledi Madi

Language Tswana

Level Level 3

Narrate full story The audio for this story is currently not available.


Koko le sebokolodi e ne e le ditsala. Mme ba ne ba rata go dira dikgaisano.Ka letsatsi lengwe ba tsaya tshwetso ya gore ba ya go tshameka kgwele ya dinao go bona gore ke mang e leng motshameki tota.

Chicken and Millipede were friends. But they were always competing with each other. One day they decided to play football to see who the best player was.


Ba ne ba ya kwa lebaleng la kgwele ya dinao mme ba simolola kgaisano ya bone. Koko o ne a le bonako thata, mme Sebokolodi o ne a le bonako thata thata. Koko a ragela kwa kgakala, mme Sebokolodi a ragela kgakala go feta. Koko a simolola go kgotswa.

They went to the football field and started their game. Chicken was fast, but Millipede was faster. Chicken kicked far, but Millipede kicked further. Chicken started to feel grumpy.


Ba tsaya tshwetso ya go raga dipenalti. Lwantlha Sebokolodi ke ene o neng a le motshwara kgwele. Koko a ragela kgwele e le nngwe fela. Jaanong e ne e le sebaka sa koko go tshwara kgwele.

They decided to play a penalty shoot-out. First Millipede was goal keeper. Chicken scored only one goal. Then it was the chicken’s turn to defend the goal.


Sebokolodi a raga kgwele mme ya tsena. Sebokolodi o ne a kgokgoetsa kgwele mme a e ragela. Sebokolodi o ne a eteletse kgwele pele mme a e ragela. Sebokolodi o ragetse dikgwele tse tlhano.

Millipede kicked the ball and scored. Millipede dribbled the ball and scored. Millipede headed the ball and scored. Millipede scored five goals.


Koko o ne a kgopilwe ka a latlhegetswe. E ne e le motho yo o latlhegetsweng yo o bosula thata. Sebokolodi a simolola go tshega ka tsala ya gagwe ka o ne a simolola go supa mokgwa o o sa siamang.

Chicken was furious that she lost. She was a very bad loser. Millipede started laughing because his friend was making such a fuss.


Koko o ne a kgopilwe tota gore a atlhamolose molomo wa gagwe thata mme a gotsa sebokolodi.

Chicken was so angry that she opened her beak wide and swallowed the millipede.


Fa Koko a le mo tseleng go ya lwapeng, a kopana le Mme Sebokolodi. Mme Sebokolodi a botsa,”A ga o a mponela ngwana?”Koko a didimala .Mme Sebokolodi o ne a tshwenyegile.

As Chicken was walking home, she met Mother Millipede. Mother Millipede asked, “Have you seen my child?” Chicken didn’t say anything. Mother Millipede was worried.


Morago Mme Sebokolodi a utlwa lentswe le le kwa teng.” Nthusa mme!” lentswe le lela. Mme Sebokolodi a leba leba mme a reetsa ka tlhoafalo. Lentswe le tswa moteng ga koko.

Then Mother Millipede heard a tiny voice. “Help me mom!” cried the voice. Mother Millipede looked around and listened carefully. The voice came from inside the chicken.


Mme Sebokolodi a goa,”Dirisa maatla a gago ngwanaka!” Dibokolodi di kgona go dira monkgo o o bosula le go leka go go bosula. Koko a simolola go bobola.

Mother Millipede shouted, “Use your special power my child!” Millipedes can make a bad smell and a terrible taste. Chicken began to feel ill.


Koko a simolola go ruruga. O ne a metsa a bo a kgwa mathe. O ne ithimola a bo a gotlhola. Mme a gotlhola. Sebokolodi se ne se ferosa sebete.

Chicken burped. Then she swallowed and spat. Then she sneezed and coughed. And coughed. The millipede was disgusting!


Koko a gotlhola go fitlhela a gotlhola sebokolodi se se neng se le mo mogodung wa gagwe. Mme Sebokolodi le ngwana wa gagwe ba gagabela mo mokaleng go itshuba.

Chicken coughed until she coughed out the millipede that was in her stomach. Mother Millipede and her child crawled up a tree to hide.


Gotswa ka nako e o, dikoko le dibokolodi e ne e le baba.

From that time, chickens and millipedes were enemies.


Written by: Winny Asara
Illustrated by: Magriet Brink
Translated by: Domitilla Naledi Madi
Language: Tswana
Level: Level 3
Source: Chicken and Millipede from African Storybook
Creative Commons License
This work is licensed under a Creative Commons Attribution 3.0 International License.
Options
Back to stories list Download PDF