Download PDF
Back to stories list

Bana ba kerese Children of wax

Written by Southern African Folktale

Illustrated by Wiehan de Jager

Translated by Lorato Trok

Language Tswana

Level Level 2

Narrate full story The audio for this story is currently not available.


Bogologolo tala go kile ga nna lelapa lengwe le le itumetseng.

Once upon a time, there lived a happy family.


Ba ne ba sa rate ntwa mme ba ne ba thusa batsadi ba bona kwa gae le kwa masimong.

They never fought with each other. They helped their parents at home and in the fields.


Mme ba ne ba sa letlelelwa go atamela fa thoko ga molelo.

But they were not allowed to go near a fire.


Ba ne ba letlelelwa fela go dira ditiro tsa bona bosigo. Ka gonne ba ne ba bopilwe ka kerese

They had to do all their work during the night. Because they were made of wax!


Mme mongwe wa basimane o ne a eletsa go bona letsatsi.

But one of the boys longed to go out in the sunlight.


Ka letsatsi lengwe keletso ya gagwe e ne ya oketsega. Basimane ba bangwe ba ne ba mo kgalema …

One day the longing was too strong. His brothers warned him…


Mme go ne so setse go le thari! O ne a tlhapologa mo letsatsing.

But it was too late! He melted in the hot sun.


Bana ba kerese ba ne ba utlwa botlhoko go bona o mongwe a tlhapologa.

The wax children were so sad to see their brother melting away.


Mme ba ne ba dira leano. Ba ne ba tsaya kerese eo ba e aga go nna nonyane.

But they made a plan. They shaped the lump of melted wax into a bird.


Ba ile ba tsaya nonyane e ba e isa kwa godimo ga thaba.

They took their bird brother up to a high mountain.


Fa letsatsi le tlhaba, o ile a fofela godima a opela a itumetse.

And as the sun rose, he flew away singing into the morning light.


Written by: Southern African Folktale
Illustrated by: Wiehan de Jager
Translated by: Lorato Trok
Language: Tswana
Level: Level 2
Source: Children of wax from African Storybook
Creative Commons License
This work is licensed under a Creative Commons Attribution 3.0 International License.
Options
Back to stories list Download PDF